SS Plus

DIPOTSO KGATLHANONG LE THUTO YA BA-WATCH TOWER GONGWE BA-JEHOVAH’S WITNESSES

MATSENO 1. BONGWETHARONG 2. JEHOVAH

3. JESU, YO E LENG SEBOPIWA GO YA KA THUTO YA BONA

4. MOWA O O BOITSHEPO

5. SEFAPAANO GONGWE KOTA

6. TSOGO YA GA JESU 7. KA GA GO BOA GA MORENA JESU 8. GO BOA GA JESU KA MMELE
9. TSA BOPHELO MORAGO GA BOPHELO JO 10. LETSATSI LA KATLHOLO

11. DIHELE

12. BA 144 000

13. MOTSEREGANYI WA BA BANGWE FELA

14. TLHABELOMADI

 

MATSENO:

Lokwalo lo lo kwadilwe go go thusa go batla bonnete fa o kganyetsana le Ba-Jehovah’s Witnesses.

Dirisa metheo e e latelang go ya ka Lefoko la Modimo mo puisanong ya lona:

1. Beibele ke Lefoko la Modimo le le sa fetogeng malebana le bophelo jo go ya ka bo sa khutleng.

2. Beibele e na le tsotlhe tse di tlhokegang tse ke tshwanetseng go di itse malebana le pholoso ya me (Tshen. 22:13).

3. Beibele ke Lefoko la Modimo ka borena jwa lona.

4. Beibele e a itlhalosa. Ditemana tse di malebana tse di umakiwang mo lokwalong lo, di tshwanetse go balwa gammogo le dikgaolo tsa tsona. Bala le ditemana tsotlhe tse di umakiwang.

5. Gakologelwa bongwe jwa Beibele, le fa e sobokanyeditswe mo dibukeng tse di farologaneng le mefuta ya tsona.

6. Temana e na le taelo e e rileng mo kgaolong, mo bukeng le mo Beibeleng yotlhe. Potso e o simololang ka yona ke gore, Mowa o o Boitshepo o ne o batla go bolelela babadi ba bogologolo eng? Rona, o batla go re bolelela eng?

7. GO TLHALOGANYA. Ditemana tse dingwe di tlhaloganyega go gaisa tse dingwe. Bala pele tse o di tlhaloganyang botoka gore o tle o tlhotlhomise molaetsa wa ditemana tse o sa di tlhaloganyeng botoka.

Fa godimo


1. BONGWETHARONG

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re:

Ga re dumele mo Bongwe-tharong jwa Modimo, fela re dumela gore ke Modimo Rara a le esi fela yo e leng Modimo. {Redenering uit die Skrif, p. 115}

Kganetsanyo kgatlhanong le bona:

Lokwalo lwa ga Jesaya lo bua ka tlhamalalo gore go na le Modimo o le mongwe fela (Jes. 43:10,11; 44:6; 45:5,21-23).

Potso kgatlhanong le bona

Ke ka ntlha ya eng fa Lokwalo lo lwa ga Jesaya lo lo umakang gore go na le Modimo o le mongwe fela, lo umanaka gape gore Jesu ke Modimo o o thata le Rara yo o sa khutleng (Jes. 9:6)? (Jes. 10:21 Modimo o umakiwa e le Modimo o o thata).

Karabo kgatlhanong

le bona:

Jesaya o re ruta gore Rara gammogo le Morwa ba bidiwa Modimo wa boammaaruri. Jesaya o ruta gore go na le Modimo o le mongwe fela. Go raya gore Diriti tse pedi tse tsa Modimo di tshwanetse gore di nne Modimo o le mongwe fela. Go a tlhaloganyega ka gonne le mo lenyalong go ntse fela jalo: ba ba bedi (monna le mosadi) ba nna nama e le nngwe fela.

Beibele e re ruta ka tlhamalalo gore go na le Modimo o le mongwe fela (Ekes. 20:3; Doit. 6:4; 1 Tim. 1:17; Jak. 2:19). Go ya ka Matheo 28:19 go na le Modimo o le mongwe fela o e leng Diriti tse tharo: ". . .lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo, . . ." [Leina le le lengwe]. Diriti tse tharo tse ke Modimo o le mongwe fela: Rara (bapisa le Baef. 1:3; Joh. 1:1,18)); Morwa (bapisa le Joh. 1:1,18; Joh. 20:28; 1 Joh. 5:20; 2 Pet. 1:1); le Mowa o o Boitshepo (bapisa le Dit.5:3, 4; 2 Bakor. 3:17,18).

Fa godimo


2. JEHOVAH

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re:

Modimo Rara o tshwanetse go reriwa le go bidiwa "Jehovah" gore motho a be a kgone go nna le kamano e e tseneletseng le ene, le gore a kgone go mo farologanya le medimo e mengwe ya diseto kwa go phasalatswang teng Lefoko la Modimo (kwa tirong ya boromiwa) {Redenering uit die Skrif, p 217}.

Potso kgatlhanong le bona: Ke ka ntlha ya eng fa Kgolagano e Ntšha e sa dirise leina le la "Jehovah" gotlhelele, gongwe JHWH?
Kganetsanyo kgatlhanong le bona:

E bile le mo makwalong a ntlha a a fitlhetsweng a Kgolagano e Ntšha leina le la "Jehovah" ga le tlhagelele teng. Ga se gore le ntshitswe ke dikereke tsa ntlha (ba ne ba tlo batlelang gore le ntshiwe?)! E bile le kgatiso ya lona (Ba-Jehovah’s Witnesses), ya Kgolagano e Ntšha ya Segerika (The Kingdom Interlinear) ga e na JHWH mo lo le fetotseng ka la "Jehovah", fela e na le Kurios (Morena) gongwe Theos (Modimo). E bile le mo Paulo a neng a tshwanetse go farologanya Modimo wa mannete le medimo ya diseto kwa Atena ga a ka a dirisa JHWH (Ditiro 17:15 le ditemana tse di latelang). Le Jesu ga a ka a ruta barutwa ba gagwe go bitsa Modimo JHWH, fa e se go mmitsa "Rraetsho" fela.

Potso kgatlhanong le bona: A go ntse jalo gore Johane 1:18 (Kgolagano e Ntšha) e a re: Ga go ope yo o kileng a bona Modimo ka motlha ope, fela Morwa (yo re sa belaeleng gore o bidiwa Modimo fano) ke ene yo o boletseng Modimo?
Karabo kgatlhanong le bona: Ee, go jalo!
Potso kgatlhanong le bona: A go jalo gore JHWH mo nakong ya Kgolagano e Kgologolo o kile a tla ka setshwano sa motho mo lefatsheng a bonwa ke batho, a buisanya le batho gammogo le go angwa ke batho?
Karabo kgatlhanong le bona: Ee, go jalo! Di bapise le Gen. 16:13; 18:1-22; 32:24-30; 35:1-3; Ekes. 24:9-11; 33:18-23; Baatlh. 6:13; Jes. 6:1-7.
Potso kgatlhanong le bona: Jaanong, fa Kgolagano e Ntšha e tlhalosa gore Modimo Rara ga o ise o bonwe ke ope, JHWH yo o umakiwang mo Kgolaganong e Kgologolo ke mang?
Karabo kgatlhanong le bona: Go ya ka lesedi le re fiwang lona ke Joh. 1:18 e tshwanetse gore e nne Modimo Morwa! Rara le Morwa ka bobedi jwa bona ba bidiwa JHWH (bapisa le Gen. 19:24).

Fa godimo


3. JESU, YO E LENG SEBOPIWA GO YA KA THUTO YA BONA

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re:

Jesu ke sebopiwa sa ntlha sa Modimo, mme ka sebele ke ene moengele yo mogolo e bong, Migaele {redenering uit die Skrif, p. 229, 239}.

Potso kgatlhanong le bona:

Potso kgatlhanong le bona e a re: A ke gore Jesu o itlhodile, fa Joh. 1:3 e bua gore dilo tsotlhe di dirilwe ka ene? A go a kgonega? A Modimo o sa ntse o dira phoso fa o gatelela gore kwa ntle ga gagwe (Jesu) ga go a dirwa sepe sa tse di dirilweng. A go a kgonega gore Modimo o dire phoso. A Modimo o ne o sa gatelele fano gore Jesu ke Motlhodi wa dilo tsotlhe? (Di bapise le Bakolose 1:16,17 mo phetolo ya lona ya Beibele e okeditseng "tse dingwe" gore e tle e balege "tsotlhe tse dingwe" gore go fetoge tlhaloso e e phepa).

Karabo kgatlhanong le bona:

Go raya gore Jesu ke Motlhodi wa dilo tsotlhe. Ga a tlhodiwa. Ene yo e leng Modimo o o sa khutleng, o ne a re tsaletswe go nna motho mo lebakeng la rona mo dingwageng tse di batlileng go nna dikete tse pedi tse di fetileng. O botlhokwa go gaisa batho botlhe ba ba bileng ba tsalwa mo lefatsheng. Ke ka ntlha eo fa a bidiwa "Motsalwa-pele" gongwe "wa botlhokwa" mo go ba ba tsetsweng. Dafita e ne e le gofejane mo barweng ba ga rraagwe, mme mo go Pes. 89:28 o bidiwa "motsalwa-pele" gongwe wa ntlha (wa botlhokwa) mo go ba ba tsetsweng. Nnete le boammaaruri, Jesu o botlhokwa go gaisa botlhe ba ba bileng ba amega mo tlholegong e, ka gonne ke ene Motlhodi wa tlholego e (di bapise le Bakol. 1:18 le Baheb. 12:23).

Potso kgatlhanong le bona: Go kwadilwe kae mo Beibeleng gore Jesu ke moengele yo o bidiwang Migaele?
Karabo kgatlhanong le bona: Jesu ga se sebopiwa jaaka Migaele. Migaele ke yo mongwe wa balaodi ba bagolo (Dan. 10:13), fela Jesu ke "Morena le Modimo" (Joh. 20:28). Baengele botlhe (jaaka le ene Migaele) ba tshwanetse go obamela Jesu (Baheb. 1:6).
Potso kgatlhanong le bona: Go kwadilwe kae mo Beibeleng gore Jesu o fetogile a nna Migaele ka morago ga tlhatlhogo ya gagwe.
Karabo kgatlhanong le bona:

Ditiro 7:56,59,60 - Setefane o mmone fa magodimo a bulega, mme a mo rapela a re: "Morena Jesu, amogela mowa wa me! . . . Morena o se ka wa ba balela sebe se!"

Ditiro 9:5 - Jesu a ntse a le kwa legodimong o ikitsisitse mo go Saulo gore ke e ene "Jesu".

Tshen. 22:16,20 - Le mo ditemaneng tse, Jesu o ikitsisitse gore ke ene "Jesu". Letsatsi le a tlo boang ka lona, o tlo boa e le "Jesu".

Potso kgatlhanong le bona:

Lo dumela mo dikwalong tsa lona gore Jesu ke "modimo o o thata", fela ga lo dumele gore ke "Modimo Mothatayotlhe".

A lo dumela gore go na le medimo e mentsi, kgotsa lo dumela jaaka go kwadilwe mo Lefokong la Modimo gore go na le Modimo o le mongwe fela (o o thata gongwe Mothatayotlhe)?

Jesu, a ga a bidiwe "Mothatayotlhe" mo go Tshen. 1:8?

Go ya ka Tshen. 1:17-18 Jesu o bidiwa "wa ntlha le wa bofelo".

Go ya ka Tshen. 22:12-13 "wa ntlha le wa bofelo" ke Alefa le Omega.

Go ya ka Tshen. 1:8 "Alefa le Omega" ke "Mothatayotlhe".

Karabo kgatlhanong le bona: Go na le Modimo o le mongwe fela. Ke Modimo o o thata. Ke Mothatayotlhe. Ke wa ntlha le wa bofelo, tshimologo le bokhutlo, Alefa le Omega. Jaaka Rraagwe le Mowa o o Boitshepo, Jesu Keresete ke Modimo Mothatayotlhe.

Fa godimo


4. MOWA O O BOITSHEPO

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re:

Mowa o o Boitshepo ga se Modimo, ke maatla fela a a se nang seriti jaaka tshisimogo gongwe motlakase. {Redenering uit die Skrif, p. 97}

Potso kgatlhanong le bona: Tshisimogo, gongwe motlakase, o ka o hutsafatsa jang? (Baef. 4:30; Jes. 63:10).
Potso kgatlhanong le bona: Maatla o ka a aketsa jang (O ka a bolelela jang maaka)? (Ditiro 5:3-4)
Potso kgatlhanong le bona:

Go tla jang gore boleo kgatlhanong le maatla, e le jone fela jo bo sa itshwarelweng? (Mareko 3:28,29; Baheb. 6:4-6).

Maatla ona, o ka a leofela jang?

Potso kgatlhanong le bona: Maatla a ka nna jang "a a Boitshepo"?
Potso kgatlhanong le bona:

Ke ka ntlha ya eng fa Beibele e umaka gore Mowa o o Boitshepo o na le maatla, fa lona lo re, Mowa o o Boitshepo ke maatla? (Baroma 15:13,19)

Potso kgatlhanong le bona:

Maatla a a se nang seriti, a ka bua le go ruta batho jang (Baroma 8:26,27); a ka utlwa jang; a ka nna jang le thato, maikaelelo; a ka kgona jang go tseela batho ditshwetso (Ditiro 15:28), jalo le jalo? (Joh. 14-16; 1 Bakor. 12:11)

Karabo ya rona kgatlhanong le bona:

Mowa o o Boitshepo ke Modimo - o e leng o mongwe wa Bongwetharong jwa Modimo (Ditiro 5:3,4; 2 Bakor. 3:17,8; Matheo 28:19).

Fa godimo


5. SEFAPAANO GONGWE KOTA

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re:

Jesu ga a ka a tlhokofala mo sefapaanong, mme o tlhokofetse mo koteng. {Redenering uit die Skrif, p. 256}?

Potso kgatlhanong le bona:

A Baroma ba ne ba tla go bapola Jesu mo koteng e e tlhamaletseng ka matsogo a a kokoteletsweng mo go yona fa e ne e le tlwaelo mo go bona go bapola dinokwane mo sefapaanong?

Potso kgatlhanong le bona:

Bakeresete ba nako eo, a ba ne ba tlo kwala ditshwantsho tsa difapaano mo mabitleng le mo mabotaneng a dikgolegelo fa Keresete a ne a bapotswe mo koteng e e tlhamaletseng?

Potso kgatlhanong le bona:

Johane 20:25, a o ne a tla go bua ka dimapo mo diatleng tsa gagwe, fa diatla tsa gagwe di ne di kokoteletswe mo koteng ka lomapo lo le lonngwe fela, jaaka ka mokgwa o lo batlang go mo tshwantsha ka teng? (Di bapise le Beibele ya lona ya bana, gammogo le buka e e bidiwang "Paradys op aarde")

Fa godimo


6. TSOGO YA GA JESU

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re:

Jesu ga a ka a tsoga ka boene mo losong, ka gonne fa gare ga loso le tsogo ya gagwe o ne a se teng le fa e ka nna go phela. {Redenering uit die Skrif, p. 114}

Potso kgatlhanong le bona:

Fa go ne go le jalo, Jesu o ne a ka se ka, ya a re fa a ne a tlhokofala a re: "Rara, ke neela mowa wa me mo diatleng tsa gago!" (Luka 23:46)? Gona o tla bo a se na sepe se a ka se neelang Rara!

Potso kgatlhanong le bona:

Ke ka ntlha ya eng fa Jesu a ne a boletse pele gore o ya go tsosa mmele wa gagwe mo losong?

Karabo kgatlhanong le bona:

Go ne go ka kgonega fa fela Mowa wa gagwe o ne o sa ntse o phela ka nako ya fa a se na go swa:

Joh. 2:19-25: 19"‘Digang Tempele e, nna ke tla e tsosa ka malatsi a le mararo’ . . . 21Mme ene o ne a bua ka ga Tempele ya mmmele wa gagwe. 22Jaanong e rile a sena go tsosiwa mo baswing, barutwa ba gagwe ba gakologelwa gore o kile a bua jalo, . . ."

Joh. 10:17,18: 17"E re ka nna ke neela botshelo jwa me gore ke be ke bo tsee gape, ke ka moo Rara a nthatang. 18Ga go ope yo o ka bo nkamogang, ke nna ke bo neelang ka bogame. Ke na le thata go bo neela, ke bile ke na le thata go bo tsaya gape. Taolo e ke e amogetse mo go Rre."

Bongwetharong jwa Modimo bo a gatelelwa mo tsogong ya ga Jesu, ka gonne gontle le ditemana tse di mo godimo tse di buang gore Jesu o itsositse, go sa ntse go na le ditemana tse dingwe tse di gatelelang gore Rara (1 Bakor. 15:15) le Mowa o o Boitshepo (1 Pet. 3:18) ba tsositse Jesu mo baswing.

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re:

Jesu ga a tsoga ka mmele mo losong. Mmele wa gagwe o nyeleditswe ke Modimo, mme o tsogile fela e le mowa. {Redenering uit die Skrif, p. 320}

Karabo kgatlhanong le bona:

Kgatlhanong le bona Morena Jesu o rile:

! Fa a ise a tlhokofale: 19"‘Digang Tempele e, nna ke tla e tsosa ka malatsi a le mararo’ (Joh. 2:19)

! Morago ga loso le tsogo ya gagwe (Luka 24:36-49)

! * Barutwa ba akanya gore ba bona sedimo {temana ya 37}.

! * Jesu a gana gore ke ene sedimo, mme a ba raya a re o na le mmele wa mannete.

! Jesu a ba tiisetsa gore gase ene sedimo ka go ba raya gore ba mo lebelele, ba mo ame (kgome), mme a tla a ja fa pele ga bona {39-43}.

! * Barutwa ga gagwe ke fa ba itumela ka boitumelo jo bo phophomang, ka e le ene Jesu ka sebele {temana 41}.

! Le gona, Jesu fa a roma barutwa ba gagwe o ba romela mo bathong go nna dipaki tsa tsogo ya gagwe ya sebele (temana 46-48).

Karabo kgatlhanong le bona:

Thomase le ene o ne a dumetse tota fa a bona Jesu le dintho tsa gagwe, mme Jesu a mmiletsa go ene gore ene Thomase a tle a mo ame (Joh. 20:20-29).

Karabo kgatlhanong le bona:

Phupu gongwe lebitla le le bulegileng ke bopaki mo badumeding gore Jesu o tsogile ka mmele mo losong (Luka 24:1-12 le Joh. 20:20-29). E bile le bona baengele ba a di gatelela (Luka 24:5,6): "Lo batlelang mophedi mo baswing? Ga a yo fa, mme o tsositswe."

Mogopolo o o re tlelang:

Polelo e ya Ba-Jehovah’s Witnesses e re gopotsa thata polelo e e bileng ya tuma mo Bajuteng (Matheo 28:11-15) ya gore, Jesu ga a ka a tsoga, mme ke barutwa ba gagwe ba ba utswitseng mmele wa gagwe.

Fa godimo


7. KA GA GO BOA GA MORENA JESU

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re:

Jesu o setse a boile ka 1914 ka mokgwa o o sa bonaleng. {Jy kan vir ewig in die Paradys op aarde lewe, p. 141}

Potso kgatlhanong le bona:

A Beibele ga e re rute sentle gore go tla gape ga Jesu Keresete go tla nna jalo gore a bonwe ke leitlho lengwe le lengwe.

Karabo kgatlhanong le bona:

Mo Lefokong la Modimo re bala gore, "Jesu yole yo o tsholeleditsweng kwa legodimong, a tswa mo go lona, o tla boa a tla fela jaaka lo mmonye a ya kwa legodimong." (Ditiro 1:11); le gore, "Gonne Morena ka esi o tla fologa kwa legodimong ka mokgosi le ka lentswe la moengele yo mogolo le ka phala ya Modimo, mme baswi ba ba swetseng mo go Keresete ba tla tsoga pele. Morago ga moo rona ba re setseng re sa ntse re tshela re tla tsholelediwa kwa loaping ka maru mmogo le bone go ya go kgatlhantsha Morena." (1 Bathes. 4:16,17).

Jesu o tla boa - ka mmele o o tla bonwang ke botlhe, le ba ba mo tlhabileng: "Bonang, o tla a le mo marung, matlho otlhe a tla mmona, le ba ba mo tlhabileng; ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla lela ka ntlha ya gagwe." (Tshen. 1:7)

Potso kgatlhanong le bona:

Beibele e ruta kae gore Jesu o tshwanetse go boa ka "sebopego se se sa bonaleng"?

Karabo kgatlhanong le bona:

"Go sa bonaleng ga gagwe" [re raya bogotlhe jwa Bomodimo jwa gagwe] Jesu ga a ka a re tlogela, mme o ntse a na le rona go tloga fa e sale a tlhatlogela kwa legodimong (e seng go simologa ka 1914). Ke seo a se solofeditseng kereke ya gagwe sona pele a ise a tlhatlogele kwa legodimong fa a ne a re: "Mme itseng, nna ke na le lona ka malatsi otlhe go ya bokhutlong jwa lefatshe." (Matheo 28:20)

Mogopolo o o re tlelang:

Teko ya Bokeresete ke gore, a Jesu Keresete o ka mo teng ga rona naa (2 Bakor. 13:5)? [E seng "kamano" jaaka phetolo ya lona e e fosagetseng e batlang ka teng.]

Potso kgatlhanong le bona: Fa go ne go le jalo jaaka fa lo bua gore Jesu o tlile ka 1914, ke ka ntlha ya eng fa lona lo ne lo sa itse gore o tlile?
Karabo kgatlhanong le bona:

Kgatiso ya 1937 ya setlhongwa sa lona, "The Harp of God" lo ne lo sa ntse lo ruta gore Jesu o boile ka 1874. Pele ga 1914 lo ne lo sa bolelele pele gore Jesu o tlo tla ka 1914 jaaka ka mokgwa o lo buang ka teng gona jaanong. Lo ne lo boleletse pele gore ka 1914 go tla nna bokhutlo jwa mebuso yotlhe le Bokeresete jotlhe jwa lefatshe. Mme di mo pepeneneng gore ga go a diragala jalo.

Potso kgatlhanong le bona:

Magatwegatwe a a lona mabapi le go boa ga Jesu (a re bonang gore ga ise go nne jalo), a ga se go ganetsanya le Beibele?

Karabo kgatlhanong le bona:

Mo go Matheo 24:23-27 Jesu o re tsibosa gore: "Metlheng eo fa mongwe a ka lo raya a re: ‘Bonang, Keresete ke yo,’ gongwe, ‘Ke yole,’ lo se ka lwa dumela; gonne go tla tsoga bokeresete ba kako le baporofeti ba kako; ba tla dira ditshupo tse dikgolo le dikgakgamatso gore fa go ka kgonega ba timetse le batlhaolwi. Tlhokomelang, ke lo boleletse go sa le kwa pele. Fa jaanong ba lo raya ba re: ‘Bonang, o kwa sekakeng!’ lo se ka lwa tswa; ‘Bonang, o mo matlwaneng!’ lo se ka lwa dumela’ gonne go tla ga Morwa-Motho go tla nna jaaka logadima lo lo tleng lo tswe kwa botlhabatsatsi, lo bonalele le kwa bophirimatsatsi." Fa a tla gape tota o tla bonala go tswa kwa botlhabatsatsi go fitlha kwa bophirimatsatsi. Jaanong potso e e re tlelang ke gore: Bokeresete jo Ba-Jehovah’s Witnesses ba bo phatlalatsang, a ga se jo bongwe jwa bokeresete jwa kako?

Fa godimo


8. GO BOA GA JESU KA MMELE

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re:

Jesu a ka se tlhole a tla mo lefatsheng {Jy kan vir ewig in die Paradys op aarde lewe, p. 146}. Gompieno o sa ntse a itshenolela setlhongwa se se bidiwang Ba-Jehovah’s Witnesses {Redenering uit die Skrif, p. 328}.

Karabo kgatlhanong le bona:

Kgatlhanong le bona di mo pepeneneng (mo ditemaneng tse di umakilweng mo ntlheng ya bosupa) gore Morena Jesu o ya go boa ka mmele mo lefatsheng [di bapise le Tshenolo 21:3]. Jesu o reile senokwane se se neng se bapotswe mmogo le ene a re: "Ammaaruri ke go raya ke re: Kajeno o tla nna le nna mo Parateiseng." (Luka 23:43). Lo ruta batho gore parateise e tla nna mo lefatsheng. Dithuto tsa lona e bile di ruta gore Jesu o tla boela mo lefatsheng!

Karabo kgatlhanong le bona:

Fa go le jalo gore Jesu o sa ntse a itshenolela setlhongwa se se bidiwang Ba-Jehovah’s Witnesses, lo bua tse di kgatlhanong le Tshenolo 22:18 tse di rutang gore Tshenolo e konoseditswe, go raya gore ga go tlhole go okediwa sepe mo go yona. Ga go gope mo Beibele e bileng ya ikganetsa teng. Fa Jesu a lo senolela tsa boammaaruri, go ka se be le tse di ganetsanyang mo dikwalong tsa lona. Mme ga go jalo, ka gonne lo rutile gore Jesu gase Migaele, le gore batho ga ba a tshwanelwa ke go entiwa, le gore batho ga ba a tshwanelwa ke go itumelela segopotso sa Keresemose, jalo le jalo - tsotlhe tse gompieno lo di rutang ka tsela e nngwe.

 Fa godimo


9. TSA BOPHELO MORAGO GA BOPHELO JO

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re: Ga go na bophelo jo bongwe morago ga bophelo jo {Jy kan vir ewig in die Paradys op aarde lewe, p. 77}.
Karabo kgatlhanong le bona:

Beibele e re ruta ka ga bophelo jo o itemogelang jona morago ga loso.

! Stefano o rapela gore Jesu a amogele mowa wa gagwe (Ditiro 9:56,59).

! Paulo o eletsa go huduga gore a nne le Keresete kwa legodimong (Bafil. 1:23).

! Fa re tlogela bophelo jwa lefatshe le, re ya go aga kwa Modimong (2 Bakor. 5:6,9).

! Aborahame, Isaka le Jakobe ba ne ba sa ntse ba phela mo nakong ya ga Jesu (Luka 20:37,38).

! Moše le Elia ba ne ba bonala mo go Jesu le Barutwa ba gagwe [Kana ka nako ya teng ba ne ba setse ba tlhokofetse kgale mo lefatsheng] (Matheo 17).

! Mewa ya batho e a bua mme e apere diaparo (Tshen. 6:9-11).

! Yo o dumelang mo go Jesu, o tla phela, le fa a ka swa (Joh. 11:25, 26).

! Loso ga lo tlhole lo na le lobolela, mme lo fentswe ke Keresete (1 Bakor. 15:55-57).

! Loso ga lo kgone go kgaoganya badumedi le Modimo (Baroma 8:38,39).

Fa godimo


10. LETSATSI LA KATLHOLO

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re:

Katlholo ya Modimo e ya go tsaya sekete sa dingwaga fela {Jy kan vir ewig in die Paradys op aarde lewe, p. 176}.

Potso kgatlhanong le bona: A mme go na le ditemana tse di buang jalo mo Lefokong la Modimo?
Karabo kgatlhanong le bona:

Matheo 25 e re ruta gore Morena Jesu o tla simolola go atlhola ka bonako mo go tleng ga gagwe.

Potso kgatlhanong le bona:

Go kwadilwe kae mo Lefokong la Modimo gore morago ga sekete sa dingwaga Modimo o tshwanetse go golola Satane go bona gore a, ba ba o obamelang ke bomang?

Karabo kgatlhanong le bona:

Modimo o itse gore bana ba ona ba ba o obamelang ke bomang (Johane 13:18).

Fa godimo


11. DIHELE

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re:

Dihele ke lefelo la boikhutso fela, mme ga se lefelo la kwatlhao {Jy kan vir ewig in die Paradys op aarde lewe, p. 89}.

Karabo kgatlhanong le bona:

Fa go ntse jalo, a Modimo ga o nke o otlhaya ba ba o sotlang, ba ba o ganang, le ba ba o nyatsang? Gape, Modimo o tlile go laila Baganetsi ka molelo o o peretlang (tukang) (Baheb. 10:26-31).

Karabo kgatlhanong le bona:

Lo dumela gore go na le bophelo jo bo sa khutleng. Kgatlhanong le bophelo jo, Modimo o beile kwatlhao e e sa khutleng (Matheo 25:46). Ditemana tse di latelang di senola gore dihele ke lefelo le le boitshegang la kwatlhao mo go batho ba ba sa dumeleng: Dan. 12:2; Matheo 5:22; 8:12; Mareko 9:42-49; Johane 3:36; Bahebere 10:31,32; Tshenolo 19,20; 20:12-15; 21:8.

Mo ditemaneng tse di fa godimo Modimo o re ruta sentle gore bophelo jo bo sa khutleng (mo kgalalelong ya Modimo) bo emelelanye le loso lo lo sa khutleng lo lo tlileng go tsaya nako e e sa khutleng lo lo yang go nna setlhogo lo ntse lo peretla (tuka/rupa) bosigo le motshegare kgatlhanong le baikepi (ba ba sa dumeleng mo go ona le fa e le go o utlwelela). Ke kwatlhao e e sa khutleng - kilego (thogako) e e sa khutleng.

Fa godimo


12. BA 144 000

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re:

Ke ba 144 000 fela ba ba tlileng go rua boswa jwa legodimo, mme ba ba salang ba tlile go nna mo lefatsheng go ya ka bo sa khutleng {Jy kan vir ewig in die Paradys op aarde lewe, p. 89}.

Potso kgatlhanong le bona:

Go kwadilwe mo kae gore palo ya teng e ya go nna 144 000 fela mo bathong botlhe ba lefatshe? Mo go Tshenolo 7 palo e ya 144 000 ke sekao sa badumedi mo lefatsheng, palo e kgolo ya bona e ntse e le kwa legodimong - fa pele ga sedulo sa Modimo (di bapise le Tsen. 4:2; 19:1)!

Karabo kgatlhanong le bona:

Mo go boeng ga Keresete, legodimo le lefatshe di ya go nna selo se le sengwe mme Modimo ka osi o tlile go aga mo go rona.

Fa godimo


13. MOTSEREGANYI WA BA BANGWE FELA

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re:

Jesu ke Motsereganyi wa ba ba "kgethegileng" (144 000) fela {Die wagtoring 1/2/79, p. 31}.

Potso kgatlhanong le bona: Re di bala fa kae mo Lefokong la Modimo?
Karabo kgatlhanong le bona:

A ga se ene Motsereganyi wa botlhe ba ba dumelang mo go ene (Joh. 3:16; 6:47)?

Potso kgatlhanong le bona:

Setlhongwa sa lona, a ga se ipee mo boemong jwa ga Keresete fa ba re, bontsi jwa batho ga ba mo kgolaganong le Modimo fa Jesu Keresete e leng Motsereganyi teng? Batho bangwe ba ka nna jang motsereganyi wa lona, fa Keresete e se Motsereganyi wa lona, jaaka Beibele e bua (1 Tim. 2:5)?

Fa godimo


14. TLHABELOMADI (Go tshela molwetse madi kwa kokelong)

Ba-Jehovah’s Witnesses ba re:

Modimo o iletsa "tlhabelomadi" mo Lefokong la ona {Redenering uit die Skrif, p. 71}.

Karabo kgatlhanong le bona:

Ee, Beibele e ne e ileditse batho go ja madi ka ntlha ya kakanyo e e neng tumile mo bathong ba bogologolo fa ba ne ba akanya gore a na le thata e e kgethegileng ka bo-ona. Mo Ditirong tsa Baapostolo kgaolong ya 15 badumedi ba ba neng ba tlhaga boheitaneng ba ne ba kopilwe go tlhompha badumedi ba Bajuta fa ba sa je madi, (nama ya ditlhabelo le nama ya phologolo e e kgamilweng). Tse tsotlhe badumedi ba ne ba di letlelelwa (1 Bakor. 10:25-30), fa fela di sa kgopise ba ba bokoa mo tumelong.

Karabo kgatlhanong le bona:

Se motho a se jang, ga se kitla se go itshekolola (Mat. 15:11,17,18; Mareko 7:15, 18-20).

Tlhabelomadi ka mokgwa o e tlwaelegileng ka teng gompieno, re a itse gore dingaka ga di lope ope gore a a je - fa go ntse jalo, molao wa Modimo ga o tlolwe (rojwe). Fa motho a ka gana "tlhabelomadi", mme mongwe a tlhokofala, o tla bo a tlotse taolo ya borataro e e tla bong e go tsentsha mo molatong o o gaisang molato wa go ja madi.

Fa godimo


Hierdie is die webblad van Dr Hennie van Wyk. Standpunte op hierdie blad is sy eie of die van outeurs wie se werk geplaas word, in watter geval die standpunte die van die genoemde outeur is.